KITSISO YA KAKARETSO
LEFAPHA LA BOITEKANELO
MOLAO WA BATLHANKEDI BA BOITEKANELO BA SETSO, 2004 MOLAO NO. 35
WA 2004
TALETSO MALEBANA LE DITLHOPHO TSA BONTLHOPHENG MABAPI LE TLHOMO YA KHANSELE YA NAKWANA YA BATLHANKEDI BA BOITEKANELO BA SETSO
kitsiso e neelwa go ya ka karolo 7(c), (e),(h) le (i) ya Molao wa Batlhankedi ba Boitekanelo ba Setso, 2004 (Molao No 35 wa 2004) (o o bidiwang "Molao"), gore Tona ya Boitekanelo e laletsa ditlhopho tsa batho jaaka bontlhopheng malebana le tlhomo ya Khansele ya nakwana ya Batlhankedi ba Boitekanelo ba Setso (e e bidiwang "Khansele").
Karolo 7 ya Molao e tlhagisa tlamelo ya tlhomo ya Khansele e e nang le maloko a le 22 a a thapiwang ke Tona.
Ditemana tse di latelang tsa karolo 7 ya Molao di kaela Tona malebana le go thapa maloko a go builweng ka ona a Khansele:
a temana c ya karolo 7 ya Molao e tlhagisa tlamelo ya thapo ya batlhankedi ba boitekanelo ba setso ba le robongwe jaaka go tlhalositswe mo melawaneng e e malebana le thapo ya maloko a Khansele e e tlhagisitsweng ka fa tlase ga Molao, go emela porofense nngwe le nngwe;
b temana e ya karolo 7 ya Molao e tlhagisa tlamelo ya thapo ya motho yo o nang le kitso ya molao;
c temana h ya karolo 7 ya Molao e kopa baemedi ba le bararo ba baagi go thapiwa jaaka maloko a Khansele; gape d temana i ya karolo 7 ya Molao e kopa motlhankedi wa boitekanelo wa setso a le mongwe go tswa mo karolong nngwe le nngwe ya batlhankedi ba boitekanelo ba setso, sk. ngaka ya sedupe, ngaka, Mothusi wa boitekanelo ba setso le Moari wa setso.
Motho yo o thapilweng jaaka leloko la Khansele go ya ka karolo 7(c) le (i) ya Molao o tshwanetse a bo a nnile mo tirong mo go seng ka fa tlase ga dingwaga di le 5 e le motlhankedi wa boitekanelo ba setso kgotsa mo karolong e a e emetseng.
Ditlhopho tsa bontlhopheng mabapi le thapo go ya ka karolo 7(c) ya Molao di tshwanetse go romelwa kwa go Mokhuduthamaga yo o rweleng maikarabelo a boitekanelo mo porofenseng e mo go yona motlhankedi wa boitekanelo wa setso a dirang.
Ditlhopho tsa bontlhopheng malebana le thapo go ya ka karolo 7(e), (h) le (i) ya Molao di tshwanetse go romelwa kwa go Tona ya Boitekanelo.
Ditlhopho di tshwanetse go romelwa ka mokgwa o o tlhagelelang mo Mametlelelong ya melawana e e amanang le thapo ya maloko a Khansele e e tlhagisitsweng ka fa tlase ga Molao.
Ditlhopho di tshwanetse go romelwa mo sebakeng sa malatsi a le 30 morago ga letlha la kitsiso e:
a tlhopho ya bontlhopheng malebana le thapo go ya ka karolo 7c ya Molao e tshwanetse go lebisiwa go Mokhuduthamaga yo o maleba ka poso jaana-
i Mpumalanga , Mokhuduthamaga:
iv Kapa Bophirima, Mokhuduthamaga:
BLOEMFONTEIN
ix Kapa Botlhaba , Mokhuduthamaga: Private
BISHO
b ditlhopho tsa bontlhopheng malebana le thapo go ya karolo 7e, h le i ya Molao di tshwanetse go lebisiwa kwa go Tona ka poso, le go tshwaiwa tlhokomelo ya Moh T. Manganye Karolo ya Badiri , go -
Tshedimosetso e nngwe gape e ka bonwa kwa go:
TONA YA BOITEKANELO
